LEKALA LA SAENSE LE THEKENOLOJI
Lekala la Saense le Thekenoloji la Lefapha le leka go tlisa mekgwa e e ka thusang gore saense le thekenoloji di dire gore go nne le kgolo le tlhabololo ka mokgwa o o ka kgonang go tswelediwa, mo maphateng a a amang batho botlhe ba Afrika Borwa.
Seno se akaretsa tsereganyo, kgolagano mmogo le go dira jaaka sediriswa sa diphetogo go lebeletswe maphata a tlhagiso a ikonomi ya rona, go e dira gore e kgone go gaisana lefatshe ka bophara, gape le go lebelela tlhabololo e e saletseng kwa morago mo baaging ba ba kobo di khutshwane ba naga ya rona. Maitlhomo a go fitlhelela toro eno a tshegeditswe ke maano a tlhabololo a gore go netefadiwe gore go na le batho ba ba nang le bokgoni jwa saense, boenjinere mmogo le thekenoloji, go netefatsa temokerasi mo pusong le mo baaging, go rotloetsa gore baagi ba sedimosediwe mmogo le go netefatsa gore mananeo a tlhabololo a tla kgona go tswelediwa.
Maano a kaelo
Go netefatsa gore go na le motheo o o lolameng wa saense le go o fetola go tlhola ditiro le kgolo ke kgwetlho e kgolo. Mokgwa o o dirisiwang ke lephata la Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo e e itsegeng ka NSI, mo go lemogeng go tlhoka go tlhamalala ga ditlhabololo - moo go dira e seng fela tiro ya tlhabololo mo ditheong tse di farologaneng mme gape go lebeletse tsalano mmogo le kgolagano magareng ga ditheo - o gogela kwa goreng puso e nne le seabe sa go tlisa diphetogo, go tsereganya mmogo le go beeletsa ka togamaano.
Ke ka moo Lekala le sweditseng ka kgwedi ya Ngwanaatsele 2000, go sekaseka gape tiro mmogo le togamaano ya maphata otlhe a bokaedi a a leng ka fa tlase ga Lekala gore go fitlhelelwe maitlhomo a a tlhagisitsweng fa tlase. Go sekasekilwe ka kelotlhoko, seabe sa Lekala jaaka se bonwa ke badiri botlhe ba Lekala, mme go lebeletswe thata gore a le bonwa e le "mopalami kgotsa mokgweetsi" fa go lebeletswe NSI. Kgato eno e nnile mosola e le ruri. E thusitse go supa bokgoni jwa tiro e e tsweletseng, mafelo a maphata a bokaedi a ka tokafatsang mo go ona mmogo le diphatlha tse go tlhokegang bokgoni jo bontšhwa gongwe jo bo farologaneng mo go tsona, go kgona go fitlhelela maikarabelo a Lefapha tebang le lenaneo la bosetšhaba la tlhabololo.
Maitlhomo a Lekala
Go tiisa seabe sa ditheo tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji gore go kgone go fitlhelelwe maitlhomo a a fitlhelwang mo leanong la Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo.
Go rotloetsa setšhaba go lemoga, go itumelela, go sekaseka ka leitlho le le ntšhotšho mmogo le go tlhaloganya Saense, Boenjiniri le Thekenoloji ka diporojeke tse di rulagantsweng le go tsamaisiwa sentle.
Go tiisa mokgwa wa dipuisano le ditheo tsa poraefete mo Thulaganyong ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo.
Go tsamaisa go tlhangwa ga maphata a mantšhwa mo ditheong mo e leng gore seo se supa fa go tla nna le bokgoni jwa go nna le ditlamorago tse di kgatlhisang mo tlhabololong ya maphata otlhe.
Go tokafatsa le go tiisa tirisanommogo mo go bao ba dirang dipatlisiso.
Go rotloetsa babatlisisi ba Afrika Borwa go golagana le balekane nabo ba togamaano mo maphateng a saense le thekenoloji lefatshe ka bophara.
Go lemosa lefatshe ka ga bokgoni jwa ga Afrika Borwa tebang le Saense, Boenjiniri le Thekenoloji
Go tokafatsa boleng jwa tshedimosetso ya dipalopalo tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji go tokafatsa bokgoni jwa go tsaya ditshwetso ka ga ditlhabololo mmogo le dipeeletso, gammogo le go kgweetsa go tokafadiwa ga boleng jwa ditiro tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji go lebeletswe seemo se se amogelesegang lefatshe ka bophara.
Go rotloetsa gore go kgone go fitlhelelwa le go dirisa tshedimosetso
Go tokafatsa kitso ka go netefatsa gore go tlhabololwa kitso ya tsa saense.
Lenaneo 5
Saense le Thekenoloji
THULAGANYO, TSHEKATSHEKO MMOGO LE TLAMELO
Tiro ya lephata la bokaedi e laolwa ke maitlhomo a Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo ya go tokafatsa seemo sa kgaisano sa ga Afrika Borwa mo ikonoming ya lefatshe mmogo le go tokafatsa matshelo a baagi ba Afrika Borwa botlhe. Maitlhomo ano a tshegeditswe ke maano a tlhabololo le a tlamelo a tlhabololo ya badiri, thotloetso ya go nna le baagi ba ba nang le tshedimosetso mmogo le tlhabololo ya mekgwa ya go fitlhelela maitlhomo a Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo. Dingwe tsa ditiro tsa botlhokwa tse lephata la bokaedi le neng le tshwaragane le tsona mo nakong e e sekasekwang di akaretsa:
Go tsamaisa thulaganyo ya Tekanyetsokabo ya Saense (go phasalatsa matlole a a abilweng ke palamente go ralala ditheo tsa Saense le Thekenoloji mo Afrika Borwa);
Tsamaiso ya Letlole la Tlhabololo;
Go itsisiwe ga Lenaneo la go Rebolwa ga Didiriswa kwa dikhanseleng tsa saense;
Ditiro tse di neng di tlhametswe go oketsa kelo ya dikganetsano tebang le ditekanyetso tsa dipalopalo tsa go dira ga saense, boenjiniri le thekenoloji (bogolo segolo go lebeletswe seemo sa naga e e tlhabologang).
Tekanyetsokabo ya Saense
Ditshutiso tse dingwe tsa botlhokwa di ka bonwa mo kelong ya koketso ya ditlamelo tse di lebisitsweng kwa National Research Foundation (NRF), e leng setheo se se laetsweng go tlhabolola bokgoni jwa dipatlisiso go ikaegilwe thata ka lephata la thuto e kgolwane. Gape NRF e reboletswe ditlamelo go kgontsha babatlisisi mo lephateng la thuto e kgolwane go fitlhelela didiriswa le ditlamelo tse di kwa National Laser Centre, e leng setheo se sentšhwa se se rulagantsweng ke DACST mo ngwageng wa 2000 go tsamaisa tlhabololo ya thekenoloji mo lephateng la laser.
Setheo sengwe gape se se mo tseleng ya kgolo e e kwa godimo ke sa Medical Research Council (MRC). MRC e amogetse koketso ya 36% mo tekanyetsokabong ya yona ya nako e e sekasekwang ka ntlha ya fa go lemogilwe gore dipatlisiso tsa bongaka le boitekanelo di ntse di fiwa matlole a a kwa tlase tota. Go solofetswe gore e tla re ka ngwaga wa 2003/2004, e bo e oketsegile ga raro go tswa go ya 1999/2000. Go akareditswe, mo tshegetsong eno, matlole a a ageletsweng a lenaneo la patlisiso ya moento wa HIV/Aids.
Letlole la Tlhabololo
Go latela go amogelwa ga White Paper ya Saense le Thekenoloji, e e supileng botlhokwa jwa gore puso e tshegetse Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Ditlhabololo, go tserwe dikgato di le mmalwa tsa botlhokwa. Nngwe ya tsona ke ya go beela thoko matlole a a ka fitlhelelwang ka mokgwa wa go a gaisanela. Matlole ano a dira Letlole la Tlhabololo. Letlole la Tlhabololo ke lenaneo la tshegetso le le lebeletseng mathata "a a tseneletseng thata mo e leng gore a dia tlhabololo ya ikonomi ya loago gongwe a ama bokgoni jwa rona jwa go gaisana ka dikuno le ditirelo". Matlole ano a akanyeditswe diporojeke tse dikgolo mme a akaretsa tekano e e utlwalang ya R&D. Mo nakong e e sekasekwang eno, Letlole la Tlhabololo le nnile le kgolo ya 66% go tsa go matlole a motheo a 1999/2000 a a neng a fitlhelela go dimilione di le R75. Go tlhamilwe Terasete ya Letlole la Tlhabololo go kaela lenaneo leno ka togamaano mme go solofetswe fa botsamaisi jwa tiro bo tla fetisediwa kwa setheong se tshwana le NRF se se nang le ditlamelo tse di siametseng setheo sa thebolo ya matlotlo. Dingwe tsa diporojeke tsa dingwaga tse tharo tse di akareditsweng mo lenaneong di akaretsa:
Meento ya Biotechnology, bolwetsi jwa Newcastle - ditlamorago mo baruing ba ba botlana ba dikoko.
Tiriso ya thekenoloji ya probiotic go tokafatsa disirele tsa ga jaana tsa masea le bana ba bannye go thibela letshololo (e leng lona le eteletseng pele go baka dintsho tsa bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse tlhano mo Afrika Borwa).
Moento wa go fokotsa go nna teng ga kankere ya popelo (e e fitlhelwang thata mo basading ba ba tswang kwa baaging ba ba neng ba sa fitlhelele ditlamelo).
Biotechnology go rarabolola bothata jwa go phanya ga dikgong tsa dibulokomo: mofuta o o jalwang thata wa dikgong tse di thata mo Afrika Borwa (Bothata bo dira gore di dirisediwe fela matute).
Biotechnology - dijalo tse di dipelang komelelo le malwetsi.
Go dirisa dimela tsa rona tsa tlhago go dira "melemo ya bommakgonte" ( go rarabolola bothata jo bo gona jwa go dipela melemo).
Ditlamelo tse di laolang ditshenekegi, mofero mmogo le malwetsi a dijalo tse di sa diriseng dikhemikhale.
Go lemoga le go aroganya ka ditlhopha, mefuta e e gona ya meuta (fungal strains) e e ka bakang gore go nne le diensime tse di ka tokafatsang go jega ga metswako ya dijo tsa diphologolo tsa Afrika Borwa.
Ponelopele ya boemo jwa bosa ya dipaka ka tiriso ya thulaganyo ya tlelaemete e e dirisang khomphiutara.
Thekenoloji ya ultrasonic e e leng ditlamorago tsa tiro ya sesole mme e na le mokgwa o o rileng wa go thusa ka tshekatsheko e e itsegeng ka Doppler waveform analyis (DWA) e e tlhotlhwa tlase go dirisiwa ke baoki ba ba kwadisitsweng kwa ditleleniking tsa baimana.
Tlhabololo ya thulaganyo ya bosetshaba ya go supa dikoloi ka tiriso ya internet go ikaegilwe ka dikgatiso tsa menwana.
Ditlamelo tsa tlhaeletsano tse di nang le kgaso ya sathalaete go kgontsha tiriso ya internet, go phasalediwa kwa metse magaeng ka tiriso ya thekenoloji ya waelese mmogo le go kgolagano e e tla dirwang ka thuso ya motlamedi wa tirelo ya GSM - go dirisiwa maatla a a tlhabololwang a tshwana le biogas le maatla a letsatsi.
South African Integrated Spatial Information System (ISIS 2000) ya ngwagakgolo o montšhwa: Go fitlhelela temothuo (mmu, tlelaemete, metsi le mabaka a tikologo), biodiversity le tshedimosetso e e ka ga dikarolo tse di kwa mabopong di botlhokwa tota mo babatlisising, batsaya ditshwetso mmogo le mo baaging ka kakaretso tebang le togamaano ya tiriso ya lefatshe mmogo le ditlhabololo.
Go tlhamiwa ga thulaganyo e e sa tlhokeng madi a le mantsi go tlhokomelwa mme e ka kgona go itlhokomela go phepafatsa maswe a a gelelwang go tswa kwa meepong le kwa difemeng.
Go ntshwafatsa polythylene terephthalate (PET: nngwe ya mefuta ya polasetiki e e kgonang go ntshwafadiwa go dirisiwa gape) gore go tlhagisiwe ditlhagiswa tse dingwe gape di tshwana le ditlhale, ditlaleletsa ditlhale, diphate, dikarolo tsa dikoloi mmogo le ditlhagiswa tse dingwe tse dintsi.
Go tlhabolola le go tsenya tirisong thulaganyo e e kwa godingwana ya go phepafatsa zinc ya PWG go nna zinc e e kgethegileng ya seemo se se kwa godimo: thekenoloji ya go thusa gore thulaganyo e nne tlhotlhwatlase gore go kgone go nne le tlhagiso e e kwa godimo mo Afrika Borwa fa e lekanngwa le lefatshe.
Go tsenya tirisong thekenoloji ya tlhabololo indaseteri ya selegae ya titanium: boswa jo e leng nngwe ya ditlamelo tse di botlhokwa tsa tlholego tsa naga eno.
Go tlhabololwa ditlhagiso tse di rileng tsa zirconia go tswa mo zircon e e tlhaolositsweng: Afrika Borwa e na le 45% ya mafelo a a nang le zircon mo lefatsheng.
Thekenoloji ya Closed Loop Automated Manufacturing (CLAM): go tlhagisa didiriswa go ralala bontsi jwa dithekenoloji tsa phetolelo di akaretsa go bopa ka mokgwa wa go enta gammogo le die-casting e e dirisang kgatelelo mme go sa dirisiwe thulaganyo e e tlwaelegileng e e boima.
Go tlhagisa ditlhagiswa tsa dijo go tswa mo matlakaleng a ditlhapi: go dirisiwa ditlhogo tsa ditlhapi - tse gantsi di tsewang e le matlakala - go tlhagisa bopi jo bo humileng ka diesiti tse di mafura tsa Omega-3, diporoteini mmogo le khalesiamo tse di ka dirisiwang mo go tlhagiseng dijo dikgolo.
Melemo e e lwantshang malaria go tswa mo dimeleng tsa melemo tsa Borwa jwa Afrika - dikgwebo tse dintšhwa tsa phetolo ya dikuno go rebola ditlhagiswa tsa dimela tse di ka dirisiwang mo go direng melemo e e lwantshang malaria.
Lenaneo la kabo ya Didiriswa
DACST e tlhomile lenaneo leno ka maitlhomo a go siamisa tlhaelo ya ditlamelo tsa maemo tsa didiriswa/thekenoloji kwa ditheong tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji. Dipatlisiso tsa go sa le tsa gale ditheo tsa Afrika Borwa tsa patlisiso, thuto e kgolwane, dilaboratori tsa poraefete le tsa setšhaba, di supile fa e tla re ka ngwaga wa 2002, didiriswa tsa Afrika Borwa tsa dipatlisiso tsa saense tsa boleng jwa halofo ya bilone, di be di sena mosola. Ka ntlha ya fa tekanyetsokabo ya dikhansele tsa saense e tsweletse go ngotlega, DACST e rebotse matlole go dirisiwa mo dipeeletsong tse di rileng tsa ditlamelo tsa didiriswa mmogo le thekenoloji. Dingwe tsa dintlhakgolo di akaretsa:
Tlamelo ya laboratori kwa Port Elizabeth ya didiriswa tse di tla kgonang go fitlhelela ditlhokego tsa maphata a a rulaganeng le a a sa rulaganang a kgwebo ya go roka. Lephata leno le beilwe leitlho jaaka karolo e e nang le bokgoni jwa go gola. Tlamelo eno e tla dirisiwa ke babatlisisi ba ba magareng ga 25 le 30 go tswa kwa CSIR, dindasetering, diyunibesithi mmogo le dithekenikono.
Go tsenngwa ga Dynamic Reaction Cell ECP Mass Spectrometer kwa Mintek. Meepo le diminerale le tsona di tsewa e le mangwe a mafelo a a botlhokw a kgolo mo Leanong la Ikonomi. Bokgoni jo bo lekanyeditsweng jwa didiriswa tsa ICP-MS bo akaretsa go retelelwa ke go lemoga dintlha tse di ka nnang bosisi mo tikologong. Go tla katisiwa babatlisisi ba le 10 mmogo le baithuti ba ka nna 24. Babatlisisi ba ka nna 10 go tswa kwa Mintek le kwa ditheong tse dingwe ba tla dirisa didiriswa le fa e se ke ya nna ka tlhamalalo.
Go bewa ga mmeisara wa haetorojene kwa HartRAO. HartRAO ke yona fela thelesekopo ya waelese mo Afrika mme go le gantsi e batlelwa go nna le seabe mo diporojekeng tsa Very Long Baseline Interferometry (VLBI). Sekai ke go dirisiwa ga asetoronomi ya waelese go lepa go fetoga mo go thuthafaleng ga lefatshe.
Go tlhoma tlamelo ya go leka megala ya bommalethekana kwa SABS. Go na le botlhokwa jwa gore go nne le laboratori e e kannweng e e ka dirang diteko tsa kelo ya makhubu a motlakase a megala ya bommalethekana. Tlamelo eno e tla kgontsha gape gore go nne le dipatlisiso tsa go tlhama seemo sa kelo ya makhubu a motlakase mmogo le melao ya maitsholo.
Matshwao a dipalopalo a Saense, Boenjiiri le Thekenoloji
DACST mmogo le OECD di ne di rulagantse seminara e e atlegileng tota e e neng e le ka ga tekanyetso ya ditiro tsa tlhabololo mo ikonoming e e tlhabologang le e e ntseng e tlhagelela. Seminara e ne e rulagantswe go lebeletswe seemo sa DACST sa go nna molebeledi mo CSTP ya OECD mme gape e le nngwe ya maiteko a OECD a go oketsa tirisanommogo le dinaga tse di tlhabologang tse e seng ditokololo. E ne e rulagantswe gore e kgobokanye baitseanape go tswa kwa dinageng tsa OECD le tse e seng tsa OECD go amogana maitemogelo mo tekanyetsong ya tlhabololo ya thekenoloji.
Maitlhomo a a neng a tlhagisitswe a seminara a go dumelanweng ka mowa o le mongwe fela gore a fitlheletswe e nnile:
Go akanya ka tiriso ka kakaretso ya dipatlisiso tsa ditlhabololo jaaka mokgwa wa tlaleletso wa go lekanyetsa ditiro tsa saense le thekenoloji. Potso e e neng e le mo mogopolong wa mongwe le mongwe e ne e ele gore a mme go na le mokgwa mongwe o sele o o neng o ka dirisiwa go lekanyetsa tlhabololo go lebeletswe thata botlhami mo dinageng tse di tlhabologang. Go thusa ka thefosanyo ya maitemogelo magareng ga dinaga tse e leng ditokololo tsa OECD le tse e seng ditokololo tsa OECD tse di setseng di dirile dipatlisiso tsa tlhabololo.
Go dira gore maitemogelo a dinaga tsa OECD a go lekanyetsa tlhabololo a fitlhelelwe ke bontsi jwa dinaga tse di farologaneng.
Dingwe tsa diphitlhelelo le dikatlenegiso tse di tlhagisitsweng kwa seminareng ke:
Phasalatso e e tla latelang ya thulaganyo ya kwa seminareng.
Ditshwaelo tsa seminara eno go ragosa thulaganyo e e tla dirang gore dinaga tse e seng tsa OECD di nne le tshwaelo e e bonalang mo tshekatshekong ya manyuale wa OSLO (letlhomeso la ntlha la go dira dipatlisiso tsa tlhabololo).
Go batlisisa ditsela tsa semolao tse di ka netefatsang gore go nna le kelo e e kwa godimo ya tsibogo mo dipatlisisong, e e tla netefatsang gore ditlamo di rebola tshedimosetso e e nang le boleng.
Go dira gore go nne le mokgwa o o laolwang mme o lotane wa go kokoanya tshedimosetso go ralala dikarolo tsa puso tse di maleba.
Go akanya ka gore go nne le dipatlisiso tsa dithulaganyo tsa dikgaolo tsa tlhabololo.
Botlhokwa jwa gore dipatlisiso di tswelele go tlhalosa tlhabololo ka ntlha ya fa thulaganyo ya tlhabololo e le marara tota fa go lebeletswe ikonomi e e sa ntseng e gola.
Botlhokwa jwa gore go nne le dipatlisiso tse di nang le mosola ka bonako go tlamela maphata a ditirelo.
Botlhokwa jwa dipatlisiso tse di tswelelang go netefatsa gore go nna le tshedimosetso e e siameng ya boleng go sekaseka seabe mo pholesing mmogo le seabe sa didiriswa tsa pholesi.
Botlhokwa jwa gore go nne le dipatlisiso tse di nang le ditlamelo tse di botoka le tse di rulagantsweng sentle go oketsa kelo ya tsibogo.
TLHABOLOLO YA THEKENOLOJI
Indaseteri ya tlhagiso ya dikuno mo Afrika Borwa, maphata a ditirelo (tlhaeletsano, ditšhelete, indaseteri ya bojanala, tshireletsego, j.j.) mmogo le indaseteri ya kitso (thuto e kgolwane, ditheo tsa dipatlisiso, j.j.) e simolola go lemoga gore e direla mo tikologong ya thekenoloji e e lebelo tota le e e lepalepaneng le kgaisano. Tiro ya lephata leno la Bokaedi e totile:
go kgweeletsa batho ba Saense, Boenjiniri le Thekenoloji, go akarediwa ba poraefete le ba setšhaba, kwa mafelong a thekenoloji a a tlhagelelang e le mafelo a tota a thekenoloji ya isago;
go itsise mekgwa ya tsereganyo e e thusang go fetisetsa thekenoloji, bogolo segolo kwa dikgwebopotlaneng le tse di mo magareng (SMMEs);
go itsise mekgwa ya tsereganyo e e thusang go fetisetsa thekenoloji e e maleba go kgontsha tlhabololo ya ikonomi, kgolo mmogo le boleng jo bo botoka jwa botshelo mo baaging ba kwa metsemagaeng.
Ditiro le maiteko a botlhokwa a a tla latelwang go fitlhelela maitlhomo ano a akaretsa:
Tiro ya Ponelopele ya Bosetšhaba ya Saense le Thekenoloji mmogo le tatelelo
Go phasalatsa dikatlenegiso tsa pegelo
Pegelo ya patlisiso ya Ponelopele ya Bosetšhaba ya patlisiso ya Thekenoloji e tlhomilwe semmuso ka kgwedi ya Mopitlwe ka ngwaga wa 2000. Tiro eno e bonetse pele sebaka sa dingwaga di le 15 go ya go 20 mo isagong, mme ya supa setlhopha sa dithekenoloji le mekgwa ya ga jaana ya tlhabololo ya thekenoloji e e ka nnang le ditlamorago tse dikgolo mo ikonoming le mo tlhabololong ya loago ya Afrika Borwa. Diphitlhelelo tsa dipatlisiso tseno di begilwe ka botlalo mo pegelong e e akaretsang e e kgobokantseng dikatlenegiso tse di tswang kwa maphateng a a farologaneng mmogo le kwa maphateng a diindaseteri tse di farologaneng, jaaka temothuo le agro-processing, biodiversity, ditirelo tsa ditšhelete, maatla, tikologo, boitekanelo, thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano, tlhagiso dikuno le ditlhagiswa, meepo le methaloji, bosenyi le thibelo ya bosenyi, bojanala mmogo le bašwa.
Ditiro tse di latetseng seno di akareditse go phasaladiwa ga dikatlenegiso tse di dirilweng ke maphata a a farologaneng go ya kwa bontsing jo bo neng bo kgona go fitlhelelwa jwa batho mo Afrika Borwa. Go rulagantswe matsholo a Ponelopele mme a tlhagisiwa ka katlego kwa baemeding ba ba neng ba tswa kwa maphateng a borutegi, mo setšhabeng, kwa diindasetering mmogo le kwa pusong. Go phasaladitswe gape le dipegelo tse di feletseng tsa Ponelopele tse di akaretsang dikhophi tsa dintlha dingwe tse di neng di rulaganyeditswe go dirisiwa mo patlisisong. Go fitlha ga jaana, go setse go fitlheletswe mafelo a a latelang: Cape Town, Pietersburg, Port Elizabeth, East London, Durban le Bloemfontein.
Dimmapa tsa tsela tsa Thekenoloji
Le fa patlisiso ya Ponelopele ya Bosetšhaba ya Saense le Thekenoloji e ne e tsepamisitse maikutlo mo dingwageng di le 15 go ya go 20 mo isagong, mme e tlhagisitse setlhopha sa mefuta ya thekenoloji e e nang le bokgoni jwa go nna le ditlamorago tse di ntle mo ditlhokegong tsa ikonomi ya loago ya naga ya rona, go nnile botlhokwa gore go lebelelwe paka-khutshwane, mme go tlhamiwe dimmapa tsa tsela tse di tla latelwang go fitlhelela bokgoni jo bo ka fitlhelegang mo mefuteng e mengwe ya thekenoloji.
Go tlhophilwe maphata a le mararo a a tla dirisediwang ditsela tseo, e leng Information & Communication Technologies, Advanced Materials, le Biotechnology mmogo le Bioinformatics. Maphata ano a tlhophilwe ka ntlha ya botlhokwa jwa ditlhabololo tsa thekenoloji mo go ona mme gape ka ntlha ya seabe se segolo se a nang le sona mo mefuteng e mengwe e e farologaneng ya thekenoloji e e akareditsweng mo patlisisong ya Ponelopele. Maitlhomo ke gore go tlhamiwe, mo maphateng ano ka boraro jwa ona, kgolagano magareng ga ditlamelo tsa thekenoloji tse di tlhokang go tlhabololwa mmogo le go dirisa ka botlalo ditšhono tsa isago tsa papatso. Dimmapa tsa thekenoloji di bonwa e le didiriswa tsa togamaano mme di leka go supa, go nopola mmogo le go tlhabolola mekgwa e mengwe ya thekenoloji ka badirisi le batlhagisi ba thekenoloji, go akarediwa diindaseteri, barutegi mmogo le puso, ba e leng gore ba ka kgobokanya ditlamelo tsa bona go kgweetsa ditlhabololo mo mafelong a go dumelanweng ka ona. Diphitlhelelo tse di lebeletsweng tsa dimmapa tsa thekenoloji di akaretsa maano a bosetšhaba a dipatlisiso, maano a a tlhabolotsweng a tlhabololo ya badiri ba Saense, Boenjiniri le Thekenoloji mmogo le maano a dipeeletso ka ditlamelo tsa Saense, Boenjiniri le Thekenoloji. Go tlhomilwe komiti tsamaiso go ela tlhoko porojeke mme go dumelanwe ka mokgwa o o tla dirisiwang go fitlhelela maitlhomo. Go tla tlhagisiwa tswelelopele e e teng mo porojekeng mo kopanong e e latelang ya dipegelo.
Lenaneo la GODISA
European Commission e abile matlole a go tshegetsa tlhabololo ya dikgwebo tsa SMME mo Afrika Borwa, e le bontlhabongwe jwa lenaneo la yona la go thusa dinaga di sele. Lenaneo leno la GODISA, le le nang le DACST jaaka molekane, le tla tshegetsa go tlhamiwa ga mafelo a go thuthusa thekenoloji, diporojeke tsa tekeletso kwa ditheong tsa go bontsha thekenoloji mmogo le ditheo tsa tshegetso ya tlhabololo. Mo nakong e e sekasekwang go ne ga tlhomiwa yuniti ya tsamaiso ya lenaneo go thusa DACST ka go tsenya maitlhomo tirisong. Go nnile gape le tswelelopele tebang le go wetsa go tlhopha mekgatlho e e tla nnang le seabe mo diporojekeng. Pegelo e e ka ga diphitlhelelo tsa diyuniti tse di tlhalositsweng fa tlase e tla tlhagisiwa mo nakong e e tla sekasekwang mo isagong.
Setheo sa dipontsho tsa thekenoloji
Go tlhophilwe mokgatlho o o eteletsweng pele ke Mintek gore o tlhame setheo sa dipontsho tsa thekenoloji se se itsiweng jaaka TDC. Setheo seno se tla lebagana le meepo e mebotlana mmogo le maphata a mangwe a a maleba. Maitlhomo magolo a sona e tla nna go bontsha le go rotloetsa tiriso ya thekenoloji e e maleba le e ntshwa ya meepo e e fitlhelwang mo lephateng leno.
Setheo sa tshegetso ya tlhabololo
Go tlhophilwe mokgatlho o o eteletsweng pele ke Yunibesithi ya Natal go tlhama setheo sa tshegetso ya tlhabololo se se itsiweng jaaka ISC. Setheo seno se tla lebelela dithulaganyo tsa thekenoloji ya tshedimosetso. Mosola o mogolo wa sona ke go sola molemo le thekenoloji e e tlhabolotsweng mmogo le go e rekisa mo lephateng leno.
Lefelo la go thuthusa thekenoloji
Go tlhophilwe mokgatlho o o eteletsweng pele ke CSIR go tlhama lefelo lago thuthusa thekenoloji. Lefelo leno la go thuthusa le tla lebelela thata thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano, mme go lebeletswe thata sofotowere e e ka dirisiwang ke ditlamelo tsa waelese. Mosola o mogolo wa lona e tla nna go tlamela ka bonno, go rotloetsa, go godisa mmogo le go tlhoma dikgwebo tse di humileng ka thekenoloji mo lephateng leno ka go tlamela ka tikologo e e sireletsegileng e e dikgwebo tseno di ka golelang mo go yona.
Kanamo ya Thekenoloji
Go na le mekgwa e le mmalwa ya go fetisa/ go anamisa thekenoloji go kgontsha go tlamela batho ba dikgwebo tsa SMME ka tshegetso go lebeletswe go ba bontsha le go ba katisa mo thekenolojing e ntšhwa mme bogolo segolo mo mererong ya go tsamaisa kgwebo le go bapatsa. DACST e lemogile gore go na le phatlha e kgolo mo mabakeng a mananeo a a tshwanetseng go fitlhelela batho go akarediwa:
Tshegetso ya tshekatsheko ya thekenoloji;
Go runwa ga thekenoloji go lebeletswe maphata a dikgebo tsa SMME;
Thuso ya setegeniki, go fa sekai, go tlamela ka matlole a ditirelo tsa sebaka sa dibeke tse pedi tsa moenjiniri go thusa bagwebi ba ba rileng ba SMME;
Go gokaganya le ditheo tsa kitso/ thekenoloji di tshwana le dithekenikono le diyunibesithi.
Lenaneo le le rulaganyeditsweng go lebagana le merero eno ke Lenaneo la Diteišene tsa Thekenoloji le le itsegeng jaaka TSP. Batho ba kwa dithekenikonong ba lemogilwe e le bona ba ba siametseng go ka dirisiwa go tlhoma setheo se se golaganyang kitso/ thekenoloji le dikgwebo tsa SMME tse di ikaegileng ka thekenoloji. Lenaneo le thusa ka dithulaganyo tsa tirisanommogo ya go refosanela tiriso ya didiriswa tse e leng karolo ya ditlamelo tsa thekenikono tsa thekenoloji tsa lefelo le lerileng la thekenoloji jk. eleketoroniki, le ka didiriswa tse lenaneo la DACST le ka di bayang foo gore di dirisiwe gabedi (ke dithekenikono le dikgwebo tsa SMME). Dithekenikono tsa ntlha go tsena mo lenaneong la TSP di akaretsa Technikon North West ka dikhemikhale, Mangosuthu Technikon ka dikhemikhale, Pretoria Technikon ka eleketoroniki le Free State Technikon ka dimetale/ tlaleletso ya boleng. Mo ngwageng wa 2000, bosetlabošweng ba akareditse Peninsula Technikon ka diaparo, Vaal Technikon ka Dikhompositi le Port Elizabeth Technikon ka dikarolo tsa dikoloi: boenjiniri jwa mekhenikale.
Namola leuba, dipeeletso tsa ditlamelo mmogo le samiti ya ditiro
Lenaneo leno le lebeletse thata go oketsa boleng jwa ditlamelo tse di gona tsa selegae tse bontsi jwa tsona bo fitlhelwang mo lephateng la temothuo. Ke ka moo bontsi jwa diporojeke bo lebeletseng go fetola ditlhagiswa tsa tlhago tsa diruiwa, ditlhagiswa tsa dimela mmogo le dijo tsa tlhago. Ditlhagiswa tse go solofetsweng fa di tla tlhagisiwa mo diporojekeng tseno di setse di bonetswe mebaraka e e rileng e e emetseng ditlhagiswa tsa maemo a a kwa godimo. Diporojeke tsotlhe di rulagantswe gore di tswelele ka mokgwa wa keetane ya boleng, e e tlhamilweng ke go mela, go fetolelwa, go tsenya boleng mmogo le go rekisiwa ga setlhagiswa. Go feta moo, thulaganyo e dirilwe ka mokgwa o o tla netefatsang gore karolo nngwe le nngwe ya keetane e tsenya letseno mme e ka tswelediwa.
Lenaneo la Phumani la Thekenoloji ya dipampiri le le itsegeng ka HPTP
Porojeke eno e akaretsa go tlhabolola thekenoloji e e maleba go fetolela ditlamelo tse di gona tsa selegae tsa bayoloji go dira setshotlho sa pampiri se jaanong se fetolelwang mo ditlhagisweng tse di farologaneng tsa pampiri (ditlamelo tsa bayoloji tse di dirisiwang di tla laolwa ke kgaolo). Go akaretsa gape go katisa batho ba ba se nang ditiro go tswa kwa baaging ba ba supilweng mo tirisong ya thekenoloji eno mmogo le go tlhama ditlamelo tsa tlhagiso tsa selegae (difeme tsa go betla) mmogo le go katisa ba ba nang le seabe mo porojekeng gore ba nne le bokgoni jo bo tlhokegang jwa kgwebo gore bokgoni jo bo sa tswang go amogelwa jwa thekenoloji bo fetolelwe go nna dikgwebo tse di tswelang pele.
Go bona ditlhokego tsa jenetiki tsa dikgomo
Maitlhomo a porojeke ke go reka dipoo tsa morafe wa Manguni tse di nang le boleng jwa jenetiki jo bo botoka gore di kgone go phasalalediwa kwa metseng ya selegae go tokafatsa boleng jwa mefuta ya dikgomo koo. Phasalatso eo e tla dirwa ka thuso ya Mafapha a Temothuo a diporofense tsa Bokone le Kapa Botlhaba. Porojeke eno e lebeletse go rarabolola bothata jwa go ja mmogo le ditlhokego tsa ikonomi ya metse magae e e tlhaelang thata go fitlhelela ditlhokego tsa loago le tsa ikonomi tse di golang ka lebelo mo mafelong ano.
TIRISANOMMOGO YA BODITšHABATšHABA YA SAENSE LE THEKENOLOJI
Maitlhomo a Lephata leno la bokaedi ke go tshegetsa maitlhomo a bosetšhaba le dintlha tse di tlang pele ka go tshwaraganela ditiro tsotlhe tse di welang mo lephateng la saense le thekenoloji. Lephata la Bokaedi le bona maikaelelo a lona a a tlang pele mo ntlheng eno e le:
go ngokela tshegetso ya boditšhabatšhaba mo go tlhabololeng bokgoni jwa saense le thekenoloji mmogo le maiteko otlhe a bosetšhaba a saense le thekenoloji;
go sekaseka boleng jwa dipatlisiso tsa bosetšhaba mmogo le ditlhabololo;
go tlhola kitso mmogo le go e phasalatsa; le go phasalatsa saense le thekenoloji ya Afrika Borwa go ralala lefatshe.
Ditiro tsa botlhokwa le maiteko a a dirilweng ke Lephata la Bokaedi mo pakeng e e sekasekwang a akaretsa:
Go tlhangwa ga letlhomeso la mokgwa o o lotaneng wa bosetšhaba mo botsalanong jwa boditšhabatšhaba mo mererong ya saense le thekenoloji
Go tlhamiwa ga Komiti ya Tirisano ya Saense le Thekenoloji e e itsegeng jaaka SATCCOM. Komiti e akaretsa mafapha otlhe a a maleba a puso mme maitlhomo magolo a yona ke go rotloetsa le go gokaganya saense le thekenoloji kwa legatong la puso la botsamaisi.
Dithulaganyo tse di tokafaditsweng tsa botsamaisi
Go tlhabololwa ga Manuale wa Tsamaiso o o dirisediwang go tsamaisa Tirisano ya Sebedi ya boditšhabatšhaba ya Saense le Thekenoloji. Maikaelelo a manuale ono ke go tshegetsa go tsenngwa tirisong ga Pholesi ya Tirisano ya Sebedi ya boditšhabatšhaba ya Saense le Thekenoloji.
Go tlhabolola "botlhale" mo mererong e e amanang le tirisano ya boditšhabatšhaba. Go sekaseka bokgoni jwa Afrika Borwa jwa patlisiso le tlhabololo mmogo le go nna le seabe mo go tsa saense le thekenoloji le ditheo tsa boditšhabatšhaba tsa bontsi. Maikaelelo a tshekatsheko ke gore e thusa DACST mmogo le mafapha a mangwe a a maleba mo go tlhabololeng mekgwa le maano a a tshwanang a saense le thekenoloji go itepatepanya le ditheo tseno. Ga jaana lephata leno la bokaedi le rulaganya tshobokanyo kakaretso e e ka ga seabe sa mafapha a diporofense mo patlisisong le tlhabololo ya bosetšhaba mmogo le seabe sa ona mo mererong ya boditšhabatšhaba.
Ditumelano tse dintšhwa tsa boditšhabatšhaba
Mo pakeng ya go tloga ka Ferikgong 2000 go ya go Mopitlwe 2001, lephata leno la bokaedi le simolotse le go netefatsa gore go saeniwa ditumelano tsa sebedi tsa tirisano ya saense le thekenoloji le Repaboliki ya Islamic ya Iran, Nigeria mmogo le Cuba. Go nnile gape le di puisano le dinaga tse di nang le bokgoni jwa go ka nna balekane di le 22, go akarediwa Australia, Japan, Spain, Norway, Brazil le Senegal.
Go rotloetsa tirisanommogo ya boditšhabatšhaba
Letlole la Komiti ya Ditumelano tsa Saense le Thekenoloji le le itsegeng jaaka STAC. Fa e sale e tlhomiwa ka ngwaga wa 1996, Komiti ya Ditumelano tsa Saense le Thekenoloji e sa le e tloga e ntse e dirisa dikantoro tsa yona tsa FRD (e ga jaana e bidiwang NRF) go tsweletsa ditumelano tsa mafapha tsa Saense le Thekenoloji mmogo le ditiro tsa bontsi. Mo pakeng ya go tloga ka Ferikgong 2000 go ya go Mopitlwe 2001, tekanyetsokabo ya Komiti ya Ditumelano tsa Saense le Thekenoloji e fetile dimilione di le R9 mme e diretse ditumelano di feta 27 tsa sebedi le tsa bontsi.
Letlole la Lenaneo la Lead. Letlole leno le tlhomilwe go tsweletsa tirisano e e ntseng e tsweletse ya boditšhabatšhaba mo mererong ya bayothekenoloji, dimateriale tse dintšhwa, thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano, tsamaiso ya tikologo, tlhabololo ya metsemagae mmogo le ntšhwafatso ya metsesetoropo. Mo legatong la ntlha 1999 - 2001, Letlole la Lenaneo la lead le atlegile go ngokela tshegetso ya boditšhabatšhaba ya dipatlisiso le tlhabololo mme gape la tlhoma selekane se se tiileng magareng ga dikhansele tsa saense tsa Afrika Borwa le CIRAD France, ALCOA USA, Rolls Royce United Kingdom mmogo le IVL Sweden magareng ga tse dingwe.
Lenaneo la kgaolo la Saense le Thekenoloji. Lenaneo leno le tlhomilwe go thusa go rotloetsa tirisano ya saense le thekenoloji magareng ga Afrika Borwa mmogo le dinaga tse dingwe tsa SADC mmogo le go rotloetsa tirisano magareng ga ditheo tsa Afrika Borwa gammogo le balekane ba kwa SADC le Afrika ka maitlhomo a go rotloetsa bokgoni mmogo le tlhabololo ya ditlamelo tsa dipatlisiso le tlhabololo. Ditlhokego tsa pele tse di supilweng mo Lenaneong la kgaolo la Saense le Thekenoloji di akaretsa tsamaiso ya metsi, kgotlhelego ya go ralala melelwane, thekenoloji ya dijo, thulaganyo ya kitso ya tlholego, thekenoloji ya tshedimosetso le tlhaeletsano, tsamaiso ya mmu, HIV/AIDS, jalo le jalo. Mo legatong la ntlha (2000 - 2003) la Lenaneo leno, DACST e amogetse ditshitshinyo tsa diporojeke di ka nna 80 mme mo go tsona, di le robedi di amogetse thotloetso ya matlole.
Ditiro tsa Boditšhabatšhaba
Patlisiso ya SAFARI 2000 ya bakgotledi go ralala kgaolo ya SADC ka kgwedi ya Phatwe 2000.
Porojeke eno e ne e akareditse balekane ba boditšhabatšhaba, go akarediwa baitseanape ba saense go tswa kwa dinageng tse e leng ditokololo tsa SADC.
SAENSE LE MEKGATLHO
Lephata la bokaedi: Saense le mekgatlho le ipeile mo marakanelong a saense, boenjiniri mmogo le thekenoloji, le mekgatlho. Maitlhomo magolo a lona ke go rotloetsa temogo ya baagi, lerato, tshekatsheko ka leitlho le lentšhotšho mmogo le go tlhaloganngwa ga saense, boenjiniri le thekenoloji ka diporojeke tse di rulagantsweng sentle mme di tsamaisiwa ka tolamo. Go rulagantswe ditiro tse di nang le ponelopele di le mmalwa tse di tla tlhokang gore baagi ba nne le seabe se segolo tota. Thulaganyo eno e dirilwe ka tsamaiso ya patlomaikutlo mme e tla tsenngwa tirisong ke lephata leno la bokaedi ka tirisanommogo le diporofense di le robongwe, mekgatlho e le mmalwa ya Saense, boenjiniri le thekenoloji mmogo le ditlhopha tse dingwe tse di nang le kgatlhego.
Ditiro tsa go netefatsa gore setšhaba se tlhaloganya Saense, Boenjiniri le Thekenoloji
Beke ya Bosetshaba ya Saense, Boenjiniri le Thekenoloji ya ngwaga wa 2000 e e itsegeng ka beke ya SET
Beke ya SET e supile fa e le letlhagola tsela le maitlhomo a lona e leng go lemosa setšhaba ka ga Saense, Boenjiniri le Thekenoloji. Katlego e e bonweng ke Ngwaga wa Saense le Thekenoloji ka ngwaga wa 1998 e e neng e itsege ka YEAST '98, e nnile motheo o o dirisitsweng ke Lefapha go tswelela go rotloetsa setšhaba go lemoga dintlha tse di ka ga Saense, Boenjiniri le Thekenoloji. Leano la go tsenya tirisong Beke ya SET le ikaegile mo thulaganyong ya dingwaga di le tharo mme diporofense di le tharo di tla tshwara beke ya SET mo ngwageng mo sebakeng seno. Diporofense tse di neng di tshwere Beke ya SET mo ngwageng wa 2000 e nnile Porofense ya Bokone Bophirima, Kapa Bophirima mmogo le Kapa Bokone. Mo ngwageng wa 2001 e nnile KwaZulu-Natal, Kapa Botlhaba mmogo le Porofense ya Bokone; mme mo ngwageng wa 2002 gona e tla nna Gauteng, Free State mmogo le Mpumalanga. Leano leno le botlhokwa tota ka ntlha ya fa le letla gore go dirisiwe ditlamelo tse di tlhaelang tseno ka botlalo.
Moono wa porojeke eno ke "Go isa Saense, Boenjiniri mmogo le Thekenoloji kwa bathong ba rona". Go lebilwe thata thulaganyo ya kitso ya tlholego, katoloso ya go fitlhelela batho ba ba kwa thoko ka saense, boenjiniri mmogo le thekenoloji, mmogo le go aga selekane le baagi ka saense, boenjiniri le thekenoloji. Go ne go lebeletswe gore go fitlhelelwe baithuti, barutabana, basadi, baagi ba kwa metseng ya magae mmogo le baagi ka kakaretso.
Porojeke e tsweletse go tloga ka 20 - 25 Mopitlwe 2000 le gape go tloga ka 5 - 10 Mopitlwe 2001.
Kampa ya Bosetšhaba ya Saense le Thekenoloji ya Basetsana ya 2000
Mogopolo wa Kampa ya Bosetšhaba ya Saense le Thekenoloji ya Basetsana ke go netefatsa gore ba rotloediwa le go tlholelediwa pele ga ba ka fitlha fa seemong se se masisi sa gore ba tlhophe se ba eletsang go se dira mo isagong. Ka ngwaga wa 2000, dikampa di ne di le kwa ditheong tse tharo ka nako e le nngwe. Diporofense di le robongwe di ne di kgaogantswe go nna dikarolo di le tharo mme porofense e le nngwe e ne e amogela baeng. Diporofense tse di amogetseng baeng di akareditse Free State, Kapa Botlhaba mmogo le Mpumalanga. Basetsana ba ba neng ba tlhomilwe leitlho mo dikampeng eno e ene e le ba go tloga ka mophato wa Grata ya 6 go ya go 10. Go ne go na le basetsana ba le 270 (ba le 30 go tswa kwa porofenseng nngwe le nngwe) le barutabana ba le 18 (banna le basadi mme porofense nngwe le nngwe e ne e emetswe ke ba le babedi) ba ba neng ba na le seabe mo porojekeng eno. Meono e ditiro tsa Kampa ya 2000 di neng di ikaegile ka yona e ne e akaretsa:
Diminerale le maatla
Tekatekano ya bong mo mererong ya Saense, Boenjiniri le Thekenoloji
Ditiro mo mererong ya Saense, Boenjiniri le Thekenoloji
Go kaela ka ditiro
Baetleetsi ba Kampa ya Basetsana ya 2000 ba akareditse Telkom le Eskom. Molekane wa DACST mo go tsenyeng tirisong Kampa ya Basetsana ya 2000 e ne e le PROTEC.
Setlhopha tsa tshupetso tsa Basadi ba ba leng mo go tsa Saense le Thekenoloji
Lephata la Bokaedi le simolotse dithulaganyo di le mmalwa go siamisa tlhaelo e e kwa godimo ya Basadi mo mererong ya Saense le Thekenoloji.
DACST e tlhomile setlhopha sa tiro se se bopilweng ke botlhe ba ba nang le kgatlhego go simolola Setlhopha sa Tshupetso sa Basadi ba ba leng mo go tsa Saense le Thekenoloji. Setlhopha sa Tshupetso se tla laola ditlhokego tsa pele tsa dipatlisiso mmogo le tsereganyo ya mananeo a a tla fokotsang dikgwetlho tse di gatelelang go ya ka bong mo lephateng la Saense le Thekenoloji. Seno se tla nna le mosola tota mo go tsenyeng tirisong dipholesi tsa tlhabololo ya badiri tsa puso. Setlhopha sa Tshupetso gape se tla nna le seabe sa go ngoka le go phasalatsa go netefatsa gore ditlamelo tse di lekaneng di fetisediwa mo mererong ya dipatlisiso le tlhabololo tse e tla reng kwa bofelong di lebise kwa go tokafatseng boleng jwa matshelo a basadi. Ga jaana go tshwaraganwe le matsapa a go lebelela dipatlisiso le go tlhabolola molaotheo wa Setlhopha Sa Tshupetso.
Di-Workshop tsa Tlhaeletsano ya Saense
Dipatlisiso tsa saense di tshwanetse go phasaladiwa ka mokgwa o o nang le bokgoni go gaisa go ya kwa baaging ba ba farologaneng le kwa bathong ba ba nang le kgatlhego ka ntlha ya mabaka a a rileng - e ka nna go sedimosetsa, go kopa tirisanommogo, tirisano, tshegetso, tlhokego ya tlhaloso, go lemosa batho, go ngoka ditsibogo, j.j. Maitlhomo a porojeke eno ke go rotloetsa phasalatso ya tiro ya saense ke baitseanape ba saense mmogo le batlhankedi ba tshedimosetso ya setšhaba, ka mokgwa o o rulaganeng le o o tsamaisiwang ka mokgwa o o tla kgontshang gore melaetsa e fetisediwe kwa bathong ba e ba lebaneng sentle. Go netefatsa gore go latelwa maitlhomo a go netefatsa gore baagi ba tlhaloganya Saense, Boenjiniri le Thekenoloji, go tshwarwa workshop ya letsatsi le le lengwe ya Togamaano ya Tlhaeletsano ya Saense le Bokgoni jwa bobegakgang.
Di-Workshop tseno ke tsa mofuta wa tsona di le nosi mo Afrika Borwa mme di tla ka nako e e botlhokwa tota e ka yona go bulelwang setšhaba dikgoro mo go tsa Saense le Thekenoloji. Go tshwerwe di-workshop di le thataro tse di neng di direlwa dikhansele tsa saense, diyunibesithi mmogo le ditheo tsa parastatal mo Afrika Borwa.
Kabo ya dikgele tsa Bobegakgang jwa Saense le Thekenoloji
Mo ngwageng wa Saense le Thekenoloji go ne ga tlhomiwa kabo ya Dikgele tsa Bobegakgang jwa Saense le Thekenoloji, e le porojeke e e neng e tshwaraganetswe ke dikhansele di le robedi tsa saense mmogo le Lefapha la Botaki, Setso, Saense le Thekenoloji (BSST).
Kabo ya dikgele tsa Bobegakgang jwa Saense le Thekenoloji e tlhometswe:
Go rotloetsa babegakgang go bega ka ga saense le thekenoloji mmogo le go tlotlomatsa babegakgang ba ba nang le seabe se se gaisang mo lephateng leno.
Go lemosa babegakgang le setšhaba gore saense le thekenoloji di tswelela go re naya diphitlhelelo tse di ntšhwa tsa dipatlisiso tse di supang dikgonagalo tse di rileng tse gape di ka amang matshelo a rona a letsatsi le letsatsi.
Go rotloetsa maphata a bobegakgang go bega ka saense le thekenoloji
Go tloga ka ngwaga wa 1998, go nnile le maphata a le supa, go akarediwa kuranta ya tlholego ya bosetšhaba, kuranta ya setšhaba, kuranta e e begang tse di rileng, kgang e e gaisitseng mo mofuteng mongwe le mongwe wa bobegakgang, lenaneo le le gaisitseng la waelese gongwe tshwaelo mo lenaneong la radio, lenaneo le le gaisitseng la thelebišene gongwe tshwaelo mo lenaneong la thelebišene mmogo le tshwaelo e e gaisitseng mo phasalatsong ya badirisi, go akarediwa le dimakasini. Go itsisitswe dikgele tse dingwe di le pedi fa gautshwane, mme tsona ke tsa tshwaelo e e gaisitseng ya puo ya tlholego mmogo le e e tlotlwang go gaisa. Sekgele sa kakaretso se gapilwe ke kuranta ya Mail & Guardian ka ngwaga wa 1999 mme ka ngwaga wa 2000 ya nna Financial Mail.
Thuto ya botlhokwa e re ithutileng yona ka ngwaga wa 1998 ke ya gore waelese ke sediriswa sa mmakgonthe, bogolo segolo fa o ikaelela go fitlhelela baagi ba kwa metseng ya magae. Go tlhagisitswe mananeo a saense a le 10 ke Lephata la Saense le Mekgatlho mmogo le waelese ya SABC mo pakeng ya magareng ga Ngwanaatsele 2000 le Ferikgong 2001. Mananeo a gasitswe ka kgwedi ya Tlhakole 2001 ka maleme a le robongwe a tlholego. Diteng tsa mananeo di ne di ikaegile thata ka ditiro tsa lephata la tona mmogo le lekala la Saense le Thekenoloji. Tlhagiso ya mananeo ano e jele milione wa diranta. Go tlaleletsa mo mananeong ano, Lephata la Bokaedi la Saense le Mekgatlho le golagantse lekala la Saense le Thekenoloji le dikhansele dingwe tsa dipatlisiso, jaaka CSIR, ARC le NRF, ka mananeo a mahala a a rebotsweng ke Lesedi FM, Motsweding FM mmogo le Ukhozi FM.
Dipontsho tsa Baitseanape ba Saense ba Bašwa
Nngwe ya dikgele di le mmalwa tse lephata la bokaedi le nang le seabe mo go tsona, ke sekgele se se amoganwang sa Tlhaeletsano e e Gaisang ya Saense se se abilweng kwa Dikgaisanong tsa Makgaolakgang a Bosetšhaba tsa Dipontsho tsa Baitseanape ba Saense ba Bašwa tsa 1999. Kabo eno ya dikgele ya ngwaga le ngwaga ga e thuse fela ka go rotloetsa tlhabololo ya megopolo ya saense mo bašweng ba rona, mme e tswelela gape go rotloetsa go amogana kitso ya saense. Sekgele seno se tla abiwa ngwaga le ngwaga mo sebakeng sa dingwaga di le 10 tse di latelang kwa Dikgaisanong tsa Makgaolakgang a Bosetšhaba tsa Dipontsho tsa Baitseanape ba Saense ba Bašwa. Ditlhopha tse pedi tsa ntlha go amogela sekgele seno di tswile kwa Mpumalanga le kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima.
Tshedimosetso ya Meta
Fa go lebelelwa sentle, ditiragalo tsa ngwaga wa 2000 tsa lephatapotlana la bokaedi di ne di lebeletse thata tsereganyo ya semolao gore go kgone gore go fitlhelelwe maitlhomo a a reboletsweng thulaganyo ya Tshedimosetso ya Meta mmogo le tsamaiso. Ditiro tsa lephatapotlana la bokaedi di akareditse:
Dintlha tse di amanang le go tsenya tirisong Molao wa Laeborari ya Difofu ya Afrika Borwa wa 1998, mmogo le Melawana ya ona ka 1 Motsheganong 2000. Molao ono o lemoga tshwanelo ya batho ba ba nang le mathata a pono ya go fitlhelela tshedimosetso.
Melawana ya Molao wa Depositi ya Molao wa 1997, e ne ya tlhabololwa go tlhalosa sentle ditlhokego tebang le depositi ya molao ya dikwalo tsa kutlopono.
Pegelo ya tswelelopele tebang le tirelo ya dilaeborari le tshedimosetso mo Afrika Borwa jaaka e rebotswe ke MINMEC ka letlha la 24 Phatwe 1999 mme e phasaladitswe ka kgwedi ya Ferikgong 2000. Pegelo e tlhalosa ka moo molaotheo o amang tsalano ya porofense le puso ya bosetšhaba tebang le merero ya dilaeborari le tshedimosetso, go supa dintlha tsa pele mmogo le tiriso e e botlhale ya ditlamelo tse di tlhaelang, mmogo le go tokafatsa kelo ya kemonokeng mo go neelaneng ka tirelo ya dilaeborari le tshedimosetso.
Lefapha le tsamaisitse thulaganyo eno go sedimosa dintlha tebang le tlhabololo ya melao e mešwa ya diporofense e e ka ga go tlamela baagi ka ditirelo tsa dilaeborari le tshedimosetso. Seno se ne se le botlhokwa go kgontsha go dira gore melao ya diporofense e lepalepane le Mametlelelo 5, Karolo A, ya Molaotheo wa Repaboliki ya Afrika Borwa, e e tlhalosang gore "dilaeborari tse e seng Dilaeborari tsa Bosetšhaba" ke maikarabelo a a lebaganeng le melao ya porofense.
Lekwalokgang la tiro la Meta-Info bulletin, le le phasaladiwang gangwe ka kwatara, le na le maitlhomo a go phasalatsa tshedimosetso ka ga ditiro tsa lephatapotlana la bokaedi mmogo le dintlha tse di ka ga tshedimosetso ya Meta ka kakaretso. Web site ya lephatapotlana la bokaedi e atolositswe le go tlhabololwa mme go tlaleleditswe ka diteng tsa diphasalatso tse di farologaneng.
KGOKAGANYO YA SAENSE LE THEKENOLOJI
Lephata la bokaedi la Kgokaganyo ya Saense le Thekenoloji le tlhamilwe go gokaganya ditiro tsa Lekala.
Maitlhomo a lona a akaretsa go gokaganya ditshwaelo tsa DACST go nna diporojeke tsa mafapha, dipegelo le dikomiti tsa seemo se se kwa godimo di tshwana le Komiti ya Ditlhogo tsa Dikhansele Tsa Saense mmogo le go thusa dikomiti tsa mofuta ono ka tirelo ya bokwaledi fa go tlhokega. Bokwaledi jwa Khansele ya Kgakololo ya Bosetšhaba ya Tlhabololo bo akarediwa mo lephateng leno la bokaedi.
Melao e e tsamaisiwang
Melao e e latelang e tsamaisiwa ke lephata la bokaedi:
Molao wa Dipatlisiso tsa Saense ya Batho wa 1968
Molao wa Laeborari ya Bosetšhaba ya Afrika Borwa wa 1998
Molao wa Motheo wa Bosetšhaba wa Dipatlisiso wa 1998
Molao wa Borutegi jwa Saense ya Tlholego wa 1993
Molao wa Tsamaiso ya Matlole a Setšhaba wa 1999
Molao wa Laeborari ya Difofu wa Afrika Borwa wa 1998
Tlhabololo ya dipholesi
Lephata la Bokaedi le gokagantse ditiro tsa leano la kgwebo la lekala.
Go tlhokomela diporojeke le ditlhabololo tsa thulaganyo ya pholesi ya saense le thekenoloji go tsamaisitswe ke lephata la bokaedi ka sekai. Dikopano tsa Pulse Rate, Di-Workshop tsa Togamaano, Kabo ya Dikgele tsa Bosetšhaba tsa Saense le Thekenoloji, dijo tsa mabono tsa maitseboa, mmogo le tsamaiso ya tshegetso ya matlole ya diporojeke tse di rotloetsang tlhabololo ya thulaganyo ya saense le thekenoloji.
Khansele ya Bosetšhaba ya Bogakolodi jwa tlhabololo e nnile le dikopano di le nne mo pakeng ya ngwaga o o begwang. Ka molao, Komiti Khuduthamaga ya yona e kopana gangwe fela ka kgwedi.
Dintlha tsa botlhokwa tse Khansele e di lebeletseng mo pakeng eno ya pegelo di akareditse:
Go phasalatsa tekanyetsokabo ya Saense, ka kaelo ya diketelo tsa kwa dikhanseleng tsa saense, tshekatsheko ya dipegelo tsa tsona tsa ngwaga le ngwaga mmogo le dikopano tsa botlhokwa.
Tshekatsheko ya Thulaganyo ya Bosetšhaba ya Tlhabololo ka go tshwara workshop ("Tlhabololo le Ikonomi ya Kitso" e e neng e kaelwa ke Jim Mullin, moitseanape wa boditšhabatšhaba go tswa kwa Canada).
Patlisiso e e ka ga kgolo le tlhabololo e e tlhakanetsweng le NSTF. Patlisiso eno e ne e ikaegile ka megopolo ya tlhotlheletsano magareng ga kgolo ya ikonomi, saense, thekenoloji mmogo le badiri.
DITIRELO TSA DITHEO
TSAMAISO YA BADIRI
Lenaneo leno le tlamela Lefapha ka tsamaiso ya badiri, tshedimosetso ya thekenoloji, tshireletso, dikantoro le tirelo ya molao.
Botsamaisi jwa badiri bo tsibogetse dikgwetlho le diphetogo tse di tlisitsweng ke letlhomeso le lentšhwa la tirelo ya tsamaiso ka go fetola mogopolo go tswa mo mokgweng wa go lebelela melawana go ya go o montšhwa wa go lebelela ditirelo. Seno se kaya gore go lebelelwa thata ditlamorago, dipholo mmogo le go tlhama boleng ka go dirisa Melawana ya Tirelo Setšhaba mmogo le White Paper e e buang ka dintlha tsa badiri.
Dintlha tsa botlhokwa tsa tiro tse di dirilweng ke lephata la bokaedi ke:
Go dira gore maano a tlhaloganyege
Go tlhabolola dithulaganyo tsa tsamaiso ya badiri le mekgwa e e kgontshang gore maitsholo a badiri a lepalepane le moono wa lefapha.
Go tlhabolola leano la katiso le tlhabololo le le tlamelang ka bokgoni jwa go diragatsa moono.
Go dira jaaka moemedi wa diphetogo
Dithulaganyo tsa tsamaiso ya badiri tse di rulagantsweng seswa di tshwanetse go lepalepana le diphetogo.
Go tlhama peeletso ya kitso
Go betlilwe dipholesi le mekgwa ya tsamaiso ya badiri e e tshegetsang badiri
Go tlhamilwe mekgwa e e maleba ya go tlhokomela dikgotlang
Go ngoketswe talente e ntšhwa mo Lefapheng mme ga beelediwa ka katiso ya badiri
Go tlhamilwe mekgwa ya go netefatsa gore badiri ba ba botlhokwa mo katlegong ya Lefapha ga ba ye gope.
Thekenoloji ya Tshedimosetso
Dintlha tsa botlhokwa tsa tiro tse di dirilweng e nnile:
Go tlhamiwa ga thulaganyo ya National Automated Archival Information Retrieval System (NAAIRS). Seno se kgonagetse ka porojeke ya tirisanommogo e e neng e akaretsa SITA le lefapha. Seno ke phitlhelelo ya thekenoloji e e fitlheletsweng ke Lephata la Bosetšhaba la Diakhaefe le e leng lona le eteletseng pele thulaganyo ya puso ya eleketoroniki (e-government), e leng go tlamela ka ditirelo tsa setšhaba ka tiriso ya internet.
Go tlhamilwe banka ya tshedimosetso ya Kabo ya Dikgele tsa Technology Top 100 mmogo le Sekgele sa Moporesidente sa Phitlhelelo ya Thomelontle. Go nnile le thulaganyo ya tshekatsheko le ditlamo tse di farologaneng mme ditlamorago tsa tshekatsheko eo di beilwe kwa bankeng ya tshedimosetso. Dipegelo tse di tswang mo bankeng ya tshedimosetso di phasaladitswe mo kuranteng ya Business Day.
Go nnile le ditlhabololo tse dikgolo tebang le go tsenngwa tirisong ga kelelo ya tiro mmogo le porojeke ya tsamaiso. Diphetogo tsa tsamaiso ya kgwebo tse di tlhagelelang di tsenngwa mo thulaganyong ya kelelo ya tiro nako le nako.
Tshireletsego le ditirelo tsa dikantoro
Dintlha tsa botlhokwa tsa tiro tse di dirilweng e nnile:
Go tsenngwa ga thulaganyo e ntšhwa ya otomatiki ya tshireletso
Go tsenngwa tirisong ga mekgwa e e tiileng ya tshireletsego go kgontsha tlhokomelo ya tshedimosetso le dikwalo.
Go tlamela ka tirelo ya tshegetso ya tshireletsego kwa ditirong tsa bosetšhaba di tshwana le Letsatsi la Kgololesego, Letsatsi la Ngwao Boswa mmogo le go tlhomiwa ga Mandela Museum.
Tsamaiso ya Badiri
LENANEO 1: Bothapi le diphatlhatiro
LENANEO 1.1 - LENANEO LE LE REBOTSWENG
LENANEO
PALO E E REBOTSWENG
Kantoro ya Mokaedi Kakaretso
Kantoro ya Tona
Kantoro ya Motlatsatona
Lenaneo 1 (Ditirelo tsa ditheo)
Lenaneo 2 (Botaki le Setso)
Lenaneo 3 (Lephata la Bosetšhaba la Diakhaefe la Afrika Borwa)
Lenaneo 4 (Tirelo ya Bosetšhaba ya Puo)
Lenaneo 5 (Saense le Thekenoloji)
PALOGOTLHE
LENANEO 1.2 - BOTHAPI LE DIPHATLHATIRO KA LENANEO
LENANEO
PALO YA BADIRI
PALO YA DIPHATLHA-TIRO
Kantoro ya Mokaedi kakaretso
Kantoro ya Tona
Kantoro ya Motlatsatona
Lenaneo 1 (Lekala: Tirelo ya ditheo)
Lenaneo 2 (Lekala: Botaki le Setso)
Lenaneo 3 (Lephata la Bosetšhaba la Diakhaefe la Afrika Borwa)
Lenaneo 4
Tirelo ya Bosetšhaba ya Puo
Lenaneo 5 (Lekala: Saense le Thekenoloji)
PALOGOTLHE
LENANEO 1.3 - BOTHAPI LE DIPHATLHATIRO GO YA KA DITUELO
LENANEO
PALO YA BADIRI
PALO YA DIPHATLHA-TIRO
Legato la dituelo la 1 - 2
Legato la dituelo la 3 - 5
Legato la dituelo la 6 - 8
Legato la dituelo la 9 -12
Tirelo ya Botsamaisi jo bogolwane
PALOGOTLHE
LENANEO 1.4 - BOTHAPI LE DIPHATLHATIRO GO YA KA MOFUTA WA THAPO
PALO YA BADIRI
PALO YA DIPHATLHA-TIRO
Tsa leruri
Pakateko
Konteraka
Tsa lobaka lo lo rileng
Tsa nakwana
PALOGOTLHE
LENANEO 2: Tekanyetso ya Tiro
LENANEO 2.1 - TEKANYETSO YA TIRO
PALO
PALO YA DITIRO TSE DI LEKANYEDI
TSWENG
PALO YA DIPOSO TSE DI GODISITSWENG
PALO YA DIPOSO TSE DI FOLOSITSWENG
Legato la dituelo la 1 - 2
Legato la dituelo la 3 - 5
Legato la dituelo la 6 - 8
Legato la dituelo la 9 - 12
Legato la dituelo la 13 - 14 (Baporofešenale)
Tirelo ya botsamaisi jo bogolwane
PALOGOTLHE
LENANEO 3.2 - DIPOELO TSA NGWAGA GO YA KA SEELO SA DITUELO
SEELO SA DITUELO
DITHAPO LE DITSHUTISO
DIKEMISO
LE DITSHUTISO
DIPOELO %
Legato 1 - 2
Legato 3 - 5
Legato 6 - 8
Legato 9 - 12
Tirelo ya Botsamaisi jo bogolwane
PALOGOTLHE
LENANEO 3.3 - MABAKA A A TLHODILENG GORE BADIRI BA TLOGELE LEFAPHA
MOFUTA WA KEMISO
PALO
Loso
Go itlamolola tiro
Go khutla ga konteraka
Go kobiwa (diphetogo tsa tiro)
Go kobiwa (maitsholomabe)
Go kobiwa (go tlhoka bokgoni)
Go gololwa mo tirong ka ntlha ya bolwetsi
Go rola tiro
A mangwe (go sutisiwa go tswa mo thulaganyong ya Persal)
TABLE 4.1: TSWELELOPELE TEBANG LE TEKATEKANYO YA BADIRI
MAEMO
KELO YA DITUELO
BASWEU
BAMMALA
BANTSHO
DIGOLE
PALO-GOTLHE
Banna
Basadi
Banna
Basadi
Banna
Basadi
Banna
Basadi
Banna
Basadi
Banna
Basadi
Mokaedi Kakaretso
Mokaedi Mogolo
Mokaedi
Mothusa Mokaedi/Tlhogo ya Batshola dikano tsa Puso/Motlhankedi tsamaiso wa molao
Mothusa Mokaedi/ Motlhankedi mogolo wa Katiso/ Motlhankedi mogolo wa dipatlisiso/ Molaodi wa Setegeniki sa indaseteri/ Motlhankedi mogolo wa Puo/ Motshola Dikano mogolwane/ Morulaganyi mogolwane/ Morulaganyi mogolo/ Mo-Techno-Economist mogolo/ Motlhankedi wa taolo ya badiri
Motlhankedi mogolwane wa badiri/ Motlhankedi mogolo wa badiri/ Motlhankedi mogolwane wa botsamaisi/ Motlhankedi mogolwane wa tsamaiso ya tshireletso/ Mmalamatlotlo mogolwane wa puso/ Motlhankedi tsamaiso mogolwane/ Moakhaefe yo mogolwane/ Motlhankedi mogolwane wa tlhaeletsano/ Motlhankedi mogolwane wa setso/ Motlhankedi mogolo wa setegeniki sa indaseteri/ Motlhankedi mogolwane wa puo/ Molaeborari mogolwane/ Motshola dikano tsa puso mogolwane/ Morulaganyi mogolo/ Molaola mafaratlhatlha mogolo/ Morulaganyi mogolo/ Mo-Techno-economist mogolo
Tlhogo: Kamogelo ya tshedimosetso/ Motlhankedi wa badiri/ Motlhankedi mogolwane wa badiri/ Motlhankedi motsamaisi/ Tlelereke kgolo ya tsamaiso/ Tlelereke kgolo ya mmalamatlotlo/ Mmalamatlotlo wa puso/ Tlelereke kgolo ya Registry/ Motlhankedi tsamaiso wa tshireletso/ Motlhankedi wa Bokatisi/ Motlanyi mogolo/ Motlhankedi wa patlisiso ya tiro/ Motlhankedi tsamaiso
Tlelereke ya mmalamatlotlo/ Motlanyi wa tshedimosetso/ Motlanyi/ Motlhankedi wa badiri/ Tlelereke ya botsamaisi/ Mokwaledi/ Modirisi wa Telecom/ modira-ka-diatla/ Foromane ya kakaretso/ Tlelereke ya Tsamaiso/ Moruni wa ka fa gare/ Motshola diakhaefe/ Motlhankedi wa Tlhaeletsano/ Motlhankedi wa Puo/ Mothusa Molaeborari/ Molaeborari/ Morulaganyi/ Molaola mafaratlhatlha/ Motlhankedi wa ditirelo tsa thuso/ motlhankedi wa tshireletso/ Motlhankedi mogolwane wa tshireletso
Mophepafatsi/ Mokgweetsi/ Morongwa/ Modirisi/ Mothusi wa ditirelo tsa dijo/ Monna wa kwa tlase/ Motlhankedi wa tshireletso
LENANEO 5: Dipoelo tsa tiro
LENANEO 5.1 - DIPOELO TSA TIRO GO YA KA LETSO, BONG LE BOGOLE
Palo ya badiri ya palogotlhe
Bantsho
Banna
Basadi
Banna
Basadi
Bammala
Banna
Basadi
Basweu
Banna
Basadi
Badiri ba ba nang le bogole (ba akareditswe fa godimo)
PALOGOTLHE
LENANEO 5.2 - DIPOELO TSA TIRO GO YA KA LEGATO LA DITUELO
Legato la Dituelo
Palo ya badiri ya palogotlhe
Legato la 1 - 2
Legato la 3 - 5
Legato la 6 - 8
Legato la 9 - 12
Palogotlhe
Go sa akarediwe ditirelo tsa botsamaisi bogolwane.
LENANEO 6: Tlhabololo ya bokgoni
LENANEO 6.1 - TLHABOLOLO YA BOKGONI KA SEELO SA DITUELO LE MOFUTA WA KATISO, 1 MOTSHEGANONG 2000 - 31 MOPITLWE 2001
SEEMO (SEELO SA DITUELO)
MOFUTA WA KATISO
Legato la 1 - 2
BATHO PELE
Legato la 3 - 5
Botsamaisi 1
Diakhaefe
Ditiro tsa badiri
Bakwaledi
Barulaganyi ba mananeo
Tsamaiso ya direkoto
Katiso ya Puo: Sekgowa ka kakaretso
Sejeremane
Legato la 6 - 8
Tekanyetso ya tiro
Tsamaiso.
Tsamaiso ya badiri
Katiso ya tekanyetso ya tiro
Porotokolo
Katiso ya puo
Sejeremane
Sefora
Kaelo e e tsweletseng ya Sefora
LEGATO LA 9 -12
Kaelo
Tsamaiso ya batho
Tlhabololo ya mananeo
Tsamaiso ya porojeke
Melao ya kgalemo
Botsamaisi jwa diphetogo
Tirelo ya Botsamaisi bogolwane
Katiso ya boeteledipele
Lenaneo la bokhuduthamaga bogolo
Thulaganyo ya tsamaiso ya matlotlo
PALOGOTLHE
LENANEO 6.2: DIBASARI TSE DI REBOLWANG GO YA KA SEELO SA DITUELO
Seelo sa Dituelo
Ditshenyegelo
Palo ya badiri ya palogotlhe
Legato la 1 - 2
Legato la 3 - 5
Legato la 6 - 8
Legato la 9 - 12
Tirelo ya botsamaisi bogolwane
PALOGOTLHE
LENANEO 6.3 - DIBASARI TSE DI REBOLWANG GO YA KA LOTSO, BONG LE BOGOLE
Ditshenyegelo
Palo ya badiri ya palo-gotlhe
Bantsho
Banna
Basadi
Banna
Basadi
Bammala
Banna
Basadi
Basweu
Banna
Basadi
Badiri ba ba nang le bogole (ba akareditswe fa godimo)
PALOGOTLHE
YUNITI YA TLHAELETSANO YA DITHEO
Yuniti ya Tlhaeletsano ya Ditheo e nnile teng ka ntlha ya go tsenngwa tirisong ga Lenaneo la Lefapha le le Lotaneng la Tiragatso le le itsegeng ka IIP. Thulaganyo eno e dirile gore go kopanngwe lephata la bokaedi: Tlhaeletsano le Lephatapotlana la bokaedi: Tsamaiso ya ditiro.
Maitlhomo le maikaelelo
Lephata le legolo la Bokaedi le ikaelela go rekisa, go godisa mmogo le go phasalatsa seabe sa Lefapha, Tona le Motlatsa Tona, mo nageng le kwa ntle ga naga.
Maano a maitlhomo a akaretsa:
Go dira gore go nne le ditlhagiswa tse di nepileng, tsa nnete, tse di maleba le tsa seemo se se kwa godimo tsa tlhaeletsano;
Go dirisana le bobegadikgang kgapetsa kgapetsa go neteftsa gore ditiragalo tsa Lefapha di begwa ka tshwanelo gore go tle go lemosiwe batho sentle gore Lefapha le na le maikaelelo a go tlisa ditirelo;
Tlhaeletsano e e tswelelang le mananeo a mangwe a a amanang le makala a mabedi a Lefapha; le
Go tshwaraganya ditiragalo tse di kailweng fa godimo tsa tlhaeletsano le go loga maano, go gokaganya mmogo le go tsamaisa ditiragalo.
Thulaganyo sešwa
Fa go tlhomiwa ga Yuniti ya Tlhaeletsano ya Ditheo go tshwanetse go ela tlhoko ditlhokego tsa Lefapha tebang le Lenaneo le le Lotaneng la Tiragatso, go tshwanetse gape go ele tlhoko ditshitsinyo tsa COMTASK tse di ka ga go rulaganya sešwa tiro ya tlhaeletsano ya puso ka kakaretso. (COMTASK e ne e le setlhopha sa tiro se se neng se tlhomilwe ke Motlatsa Moporesidente wa maloba ka ngwaga wa 1995 go sekaseka le go dira dikatlenegiso tebang le Tlhaeletsano ya Puso).
Thulaganyo sešwa e simolotse ka ngwaga wa 1999, mme e weditswe ka ngwaga wa 2000 fa go sena go rebolwa Leano la Tsamaiso la Yuniti ya Tlhaeletsano ya Ditheo.
Go ne kwa bofelong ga rebolwa gore Yuniti ya Tlhaeletsano ya Ditheo e dirwe go ya ka kaedi e e rebotsweng ke GCIS (e ikaegile ka dikatlenegiso tsa COMTASK) mmogo le ditlhokego tse di fitlhelwang mo IIP.
Popego eno e atlenegisa gore go nne le lephata la Bokaedi: Tlhaeletsano le Lephatapotlana la Bokaedi: Tsamaiso ya Ditiro, otlhe a ikarabela kwa go Mokaedi Mogolo: Tlhaeletsano ya Ditheo, yo ene e leng tlhogo ya Yuniti.
Ka ntlha ya fa popego eno e rebotswe mo ngwageng o o sekasekwang, Yuniti e ne ya simolola ka tiro kgolo ya yona ya go tsamaisa ditiro le go tsamaisa tlhaeletsano mo boemong jwa Lefapha ka -
go sekaseka, go lekanyetsa mmogo le go tsenya tirisong ditšhono tsa tlhaeletsano;
go gokaganya ditiro tsa tlhaeletsano;
go loga maano a tlheletsano a ditiro tseo; le go tlhagisa ditlhagiso tse di maleba go tshegetsa tiro ya tlhaeletsano.
Ditiro tse di akarediwang di aroganngwa jaana:
Meletlo ya boditšhabatšhaba;
Diporojeke le Ditiro tsa go Tsibosa;
Ditlhomo le Dipulo;
Malatsi a boikhutso a Setšhaba (jk. Letsatsi la Kgololesego, Letsatsi la Basadi le Letsatsi la Ngwaoboswa), le
Diporojeke tse di kgethegileng.
Ditiragalo tsa 2000 - 2001
Mo pakeng e e sekasekwang eno, Lefapha le rwele maikarabelo a diporojeke di le dintsi tse di farologaneng, tse Yuniti e thusitseng mo go tsona ka dithulaganyo tse di tlhokegang tsa bobegakgang mmogo le tsamaiso ya ditiro.
Tlhaeletsano
Tiro ya Lephata leno e akareditse go ntsha dipegelo, go laletsa bobegakgang, go rulaganya di puisano tsa waelese le thelebišene, go tsenya dikgang mo makwalokgannyeng mmogo le go rulaganya tshedimosetso ya babegakgang. Diporojeke di akareditse:
Ditheetso tsa Setlhopha sa Tiro sa Indaseteri ya Mmino, Johannesburg, 23 Tlhakole 2000;
Go bega bafenyi ba kgaisano ya go tlhama Monyumente wa Basadi, Pretoria, 8 Mopitlwe 2000;
Go tlhomiwa ga Beke ya Saense, Boenjiniri le Thekenoloji, Pretoria, 10 Mopitlwe 2000;
Letsatsi la Kgololesego, Kwaggafontein, 27 Moranang 2000;
Kitsiso ya Boto ya Batlhokomedi ba Diphaka tse di Gololesegileng, Pretoria, 31 Motsheganong 2000;
Go tlhomiwa ga Yuniti ya Dipatlisiso tsa Thibelo ya Bosenyi, Pretoria, 28 Seetebosigo 2000;
Go bulwa ga Monyumente wa Basadi, Pretoria, 9 Phatwe 2000;
Letsatsi la Ngwao boswa, Pietersburg, 24 Lwetse 2000;
Konsarata ya Badiragatsi ba ba nang le bogole mo mebeleng, Durban, 25 Ngwanaatsele 2000.
Go ketekwa ga meletlo ya Letsatsi la Basadi, Letsatsi la Ngwao Boswa mmogo le Letsatsi la Kgololesego go ngoketse bobegakgang e le ruri mme go nnile le dipego ka tlhamalalo ka bobegakgang jwa eleketoroniki le jwa dikuranta. Lephata Legolo la Bokaedi le kgonne go tlhotlheletsa bobegakgang sentle tota ka nako ya ditiragalo tseno.
Go na le maiteko a go tswelela go aga botsalano le bobegakgang ka go kopana gangwe le gape.
Ditiragalo
Lephatapotlana la Bokaedi le tsamaisitse gongwe le thusitse mo ditiragalong di le mmalwa tse di neng di le kwa metsesetoropong le kwa metsemagaeng. Ditiragalo le diporojeke di akareditse tse di latelang:
Konsarata ya Bogole mo Botaking, Durban
Go tlhongwa ga Ngwagasome wa go Rotloetsa batho kgatlhanong le Bosemorafe (16 Sedimonthole 2000)
Phasalatso ya Botaki, Setso le Ngwao Boswa (ARTS 2000)
Go bulwa ga Monyumente wa Basadi, Pretoria (9 Phatwe 2000)
Letsatsi la Ngwao Boswa 2000 (24 Lwetse 2000)
Kopano ya Khansele ya Ditona tsa SADC (Tlhakole 2000)
Khonferense ya Kopano kwa Dikhololo kwa Brits, Porofense ya Bokone Bophirima (20 - 25 Phukwi 2000)
Letsatsi la Kgololesego la 2000 kwa Setediamong sa Kwaggafontein kwa Mpumalanga
Dingwe tsa ditiragalo tseno di tlhoka go nopolwa. Letlha la go bulwa ga Musiamo wa Nelson Mandela le welane le segopotso sa ngwaga wa bolesome Moporesidente wa maloba, Nelson Mandela a golotswe kwa kgolegelong. Tiragalo e diragetse kwa mafelong a le mararo, ona e nnile Mveso (kwa legaeng la ga Nelson Mandela), Qunu (moletlo wa go ribolola lekwete la Tikwatikwe ya Baswa le Ngwao Boswa ya Nelson Mandela), le Umtata (Musiamo le kago ya Bhunga). Tiro ya kwa Umtata e ne e thologetswe ke batho ba fopholediwa go 30 000, se se kayang gore go fitlheletswe palo e e kwa godimo ya baagi ba Afrika Borwa.
Kaedi ya Botaki, Setso le Ngwao Boswa, e e leng phasalatso ya ngwaga le ngwaga e godisa le go bontsha botaki, setso le ngwao boswa ya Afrika Borwa mo nageng le kwa ntle, mme e akaretsa lenaane la meletlo, ditiragalo tsa botaki, setso mmogo le ngwao boswa gammogo le mafelo a a kgatlhisang. Go phasaladitswe dikhopi di le 3 000 tsa Arts 2000 mahala mme di filwe ditheo tse di farologaneng, mafapha a puso, diembasi, le mekgatlho ya botaki, setso le ngwao boswa. Batlhagisi ba lekwalokgang la Mail & Guardian ba phasaladitse phasalatso eno gore e rekisiwe kwa marekelong a dibuka go ralala naga. Dikolo tse dikgolo mmogo le baithuti ba ba ithutelang tsa bojanala ba amogetse dikhopi tsa mahala.
National Aeronautics & Space Administration (NASA) ya kwa Amerika, e tlhabolotse MOBLAS-6 mme ya e rebolela Afrika Borwa. NASA e ne ya kopa Lefapha la Botaki, Setso, Saense le Thekenoloji (DACST jaaka le itsege) go thusa ka matlole a go tlhoma le go kgontsha MOBLAS-6 go dira kwa HartRAO, go ya ka dipuisano tsa kwa Khomišeneng ya Dinagapedi ya US-SA. Seabe sa DACST e ne e le go thusa go tlamela ka matlole le go rulaganya tlhomo kwa HartRAO ka letlha la 20 Ngwanaatsele 2000. Lephatapotlana la Bokaedi la Tsamaiso ya Ditiro le ne le rwele maikarabelo a go rulaganya tiragalo yotlhe.
Tiragalo e nngwe e e nnileng botlhokwa mo bathong ba ba amanang le tsa saense mo Afrika Borwa e nnile moletlo wa go ribololwa ga lekwete kwa setsheng se se beetsweng leitlho go tlhoma Southern African Large Telescope (SALT) kwa Sutherland ka letlha la 1 Lwetse 2000. Afrika Borwa mmogo le balekane ba boditšhabatšhaba, ba ikaelela go aga SALT, e leng thelesekopo ya 10m ya bolepagodimo. SALT e e dirwang go ya ka tlhamo ya Hobby-Eberly Telescope (HET), e e sa tswang go swediwa fa gautshwane kwa McDonald Observatory kwa Texas, e tla tlamela Afrika Borwa le balekane ba yona ka go fitlhelela Thelesekopo e le nngwe e e nang le maatla a a boitshegang mo Hemibolong ya Borwa. Phitlhelelo ya saentifiki ya SALT e tla katologa go tswa mo go sekasekeng dipolanete tse di mo dinaleding tse di mabapi go ya go patlisiso ya dilo tse dingwe tse di kgakala tota tsa lefatshe.
Seabe sa Lefapha e ne e le go thusa ka matlole le go rulaganya moletlo wa go ribolola lekwete la SALT. Lephatapotlana la Bokaedi la Tsamaiso ya Ditiragalo le ne le tlhokometse thulaganyo go lebeletswe dithulaganyo tse di tlwaelegileng di tshwana le go tlhokomela go fetisiwa ga matlole, ditaletso, diyamaleng, porotokolo, thulaganyo ya dipalangwa mmogo le lenaneo.
Kopano e ne e le maiteko a Lephata la Bokaedi la Botaki le Setso la Boditšhabatšhaba le le mo Lekaleng la Botaki le Setso go rotloetsa tirisanommogo magareng ga Afrika Borwa le Kgaolo ya Borwa jwa Afrika. E ne e le lantlha dinaga le diporofense di nna le tshono ya go bua ka ga dintlha tse di tlhakanetsweng, moo go kgonnweng go amogana dikakanyo mme la ntlha go dumelanwe ka dintlha dingwe tse di tla lebisang kwa dithefosanong tsa sebedi magareng ga dinaga le diporofense tsa Afrika Borwa mmogo le baagisani ba bona.
Kopano e diragetse go tloga ka 20 -25 Phukwi 2000 kwa Dikhololo kwa Brits, kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima. Lephatapotlana la Tsamaiso ya Ditiragalo le rulagantse khonferense mme la rwala maikarabelo a dithulaganyo morago fela ga gore balalediwa ba goroge mo Afrika Borwa. Go ne go rulagantswe lenaneo la setso ka di 22 le 23 tsa Phukwi. Diketelo kwa mafelong a setso di akareditse mafelo a tshwana le Dikgaga tsa Sterkfontein, konsarata ya setso, mmogo le go etela kwa Gold Reef City.
Lefapha le ne le le mo maemong a mantle mme gape le na le bokgoni jwa go nna le seabe mo magatong otlhe a puso e leng a bosetšhaba, kwa diporofenseng mmogo le kwa pusoselegaeng ka go dirisa Yuniti ya Tlhaeletsano.
TSAMAISO YA MATLOLE
Maitlhomo magolo a Lephata la Bokaedi ke go laola tšhelete ya puso mmogo le dithoto tsa puso gammogo le go tsenya tirisong dithulaganyo tse di siametseng ikonomi le bokgoni mo letlhomesong la taolo ya pholesi ya Molao wa Tsamaiso ya Matlole a Setšhaba wa 1999, Molawana wa Lephata la Matlotlo, Pholesi ya Preferential Procurement mmogo le Molao wa Botho ya Dithendara ya Puso. Lephata la Bokaedi le na le dikarolo tse di laelang:
Taolo ya matlole
Lephatapotlana la Bokaedi le thusa Motlhankedi wa Mmalamatlotlo le batsamaisi ba mananeo ka tshedimosetso ka ga matlotlo mmogo le ditlamelo, tshedimosetso ya tekanyetsokabo mmgo le ditshenyegelo tsa tsamaiso mmogo le Treasury le Palamente. Gape Lephatapotlana leno la Bokaedi le tsamaisa tiriso ya matlole ya Lefapha mme le ntse le tlhokometse motsamao wa ditšhelete go tswa kwa Lefapheng le ditheo tse di amanang le lona mme le begela Kabinete ka tiriso ya Thulaganyo ya go Tsibosa ka bonako. Mo tsamaong ya ngwaga wa 2000, Lephata leno la Bokaedi le tsere dikgato tse di maleba go netefatsa gore go tsenngwa tirisong PFMA ka mokgwa o o tshwanetseng.
Tsamaiso ya Matlole
Maikaelelo a Lephatapotlana leno la Bokaedi ke go tlamela ka ditirelo tse di bokgoni tsa tsamaiso ya matlole go batlhankedi botlhe ba Lefapha. Le tlamela gape ka ditlhokego tsa bona tsa katiso tsa tsamaiso ya matlole ka kakaretso. Le netefatsa gape gore go nna le tekatekano ya lotseno le ditshenyegelo mme e tlhagisa dipegelo tsa seno mo ngwageng wa ditšhelete go ya ka sedika sa tekanyetsokabo ya ngwaga. Mo tsamaong ya ngwaga wa 2000, Lephata leno la Bokaedi le tsere dikgato tse di maleba go netefatsa gore go tsenngwa tirisong PFMA ka mokgwa o o tshwanetseng.
Botsamaisi jwa tlamelo
Maikaelelo a Lephatapotlana leno la Bokaedi ke go senkela batlhankedi ba lefapha dithoto le ditirelo tse di tla ba kgontshang go tsweletsa ditiro tsa bona mo tikologong ya tiro e e siametseng tiro ya bona.
Maitlhomo a Lephatapotlana ke go rotloetsa tiriso e e bokgoni ka go somarela ditlamelo tse di gona. Go fitlhelela seno, le ikobetse dikaelo tsotlhe tse di rebotsweng ke ditheo tse di farologaneng tsa taolo, jaaka, Lefapha la Ditshenyegelo tsa Puso, Boto ya Dithendara ya Puso mmogo le Moruni-Kakaretso, gammogo le dikaedi tse dingwe tsa lefapha tse di rebolwang nako le nako.
Lephatapotlana la Bokaedi le dira gape jaaka mogokaganyi wa batlhankedi botlhe, le ba gakolola ka ga go fitlhelela dithoto le ditirelo, go bona dithendara tsa dithoto le ditirelo ka go dirisa Komiti ya Lefapha ya Dithendara, mmogo le go amogela go sutisa gongwe go amogela gape tiriso ya dithoto tse di kgonang go sutisiwa tsa puso (fanetšhara, didiriswa mmogo le ditlamelo tse di fokotsang badiri) ka go dirisa Boto ya Ditshutiso.
Mo ngwageng wa 2000, Lephatapotlana la Bokaedi le fetogile go tswa go la Thulaganyo ya tsamaiso go ya go thulaganyo ya LOGIS. Go tserwe dikgato tse di maleba go netefatsa gore go tsenngwa tirisong PFMA ka mokgwa o o tshwanetseng.
Boruni jwa ka fa gare
Mo ngwageng o o fetileng Lephata la Boruni jwa ka fa Gare le thapile mothusa mokaedi mme la tlhama Komiti ya Boruni ya Lefapha go ya ka PFMA le Melawana e e amanang nayo ya Treasury.
Lephata la Boruni jwa ka fa gare le ne le tshwaragane le dipatlisiso tse di farologaneng tsa tlaleletso mme gape le dirile boruni jwa ka gale mo Lefapheng go ya ka leano la tiro ya lephata.
Tlhogo ya Lephata la Boruni jwa ka fa gare e dirile gape jaaka Motlhankedi wa Taolo ya Ditshenyegelo wa Lefapha mo pakeng eno mme a tsamaisa ditshenyegelo tsotlhe tsa ditopotuelo tse di neng di rebotsweng kgatlhanong le Lefapha.
Lephata la Boruni jwa ka fa gare gape le nnile le seabe sa go direla Lefapha tiro ya go gokaganya thulaganyo ya kago seswa ya State Theatre mme gape la gokaganya dipatlisiso tsa forensiki tse di dirilweng mo ditheong tse di rileng tse di amegang gammogo le Diporojeke tse dingwe.
Ditirelo tsa Molao
Melaotlhomo e e latelang e isitswe kwa Kokoanotheomolaong mo pakeng ya pegelo:
Molaotlhomo o o tlhabolotsweng wa Melao ya Setso
Molaotlhomo o o tlhabolotsweng la bobedi wa Melao ya Setso
Molaotlhomo wa Khansele ya Bosetšhaba ya Tshedimosetso ya Dilaeborari
Go na le melaotlhomo e le mmalwa e e sa ntseng e le mo thulaganyong ya go kwalwa gore e tle e fetisediwe kwa Kokoanotheomolaong:
Molaotlhomo wa Akademi ya Saense ya Afrika Borwa
Molaotlhomo wa Borutegi jwa Saense ya Tlholego
Molaotlhomo wa Setheo sa Tlhatloso ya Saense
Molaotlhomo wa Dipuo tsa Afrika Borwa
Molaotlhomo wa Khansele ya Badiri ba Dipuo tsa Afrika Borwa
Molaotlhomo wa di-Indaseteri tsa Setso
Molaotlhomo wa Tlhatloso ya Tlhabololo le Dipatlisiso
Molaotlhomo wa Dimusiamo tsa Setšhaba
Molaotlhomo wa Khansele ya Botaki jwa Tiragatso
Molaotlhomo o o tlhabolotsweng wa Khansele ya Bosetšhaba ya Tlhabololo
Molaotlhomo wa Thulaganyo ya Kitso ya Tlholego
Molaotlhomo o o tlhabolotsweng wa Melao ya Saense
TSHEDIMOSETSO KA GA MATLOLE
